Jaaka naga ya Aforika Borwa e tla bo e keteka Letsatsi la Mandela mo kgweding ya Phukwi, kgwebo ya Wheels of Change (WoC) ga se fela sesupo sa go bontsha tlotlo mo go lefa la ga Madiba mme ke sesupo gape sa gore re tshwanetse le go dira phapang eo le mo matshelong a rona ka fao re tshelang ka teng — ka go phutholola seatla, go kgaogana tlhogwana ya tsie le ka go thusa ba bangwe.
Mokgatlho yono wa kwa Vosloorus, yo o tlhamilweng ka ngwaga wa 2016 ke Thami Mankenkeza, ke lefelo leo batho ba ba tshelang ka bogolofadi mmogo le bašwa ba ba senang ditiro ba itshepetseng mo go lona, mme le fetola mahutsana a batho go nna sebetsa se se maatla mo go fetoleng maemo a baagi a go itirela letseno.
Kgang ya botshelo jwa ga Mankenkeza ke karolo e e botlhokwa thata mo ponelopeleng ya mokgatlho ono.
Ka ngwaga wa 2007, fa a ne a dira e le molaodi wa le lengwe la mabentlele a dikgwebo, o ne a thuntshiwa mme a feletsa a golofetse.
"Pele ga gore ke itemogele dikgobalo tseno, ke ne ke kgona go kganna sejanaga se motho a ikgannelang sone. Morago ga dikgobalo tseno jaanong ga ke sa kgona go se kganna. Ke tlhoka go dirisa didirisiwa tsa go thusa go kganna e bile ke ne ka tshwanelwa ke go ithuta go kganna sešwa. Go ne go se ope yo a neng a ka nthusa mme ke ne ka itshokela go bogisiwa ke bakganni ba dijanaga tse dingwe,” o gakologelwa seno.
Morago ga sebaka sa dingwaga di le robongwe, ka ngwaga wa 2016, Mankenkeza, yo a garetseng dithuto tsa tsamaiso ya kgwebo yo e bile gape a ratang boitshimololedikgwebo, o ne a thankgolola kgwebo ya Wheels of Change.
“Ga ke a bolo go nna le phisegelo ya go itlhamela kgwebo, mme ka ntlha ya kgobalo eo ke fetileng mo go yona mo botshelong ke ne ka simolola go batla go nna le kgwebo e e ka thusang batho. Ke ne ka simolola go bona gore batho ba ba tshwanang le nna bontsi jwa bona ga bo na ditšhono tse di jaaka tseno.”
Matsholo a Wheels of Change a thusa batho go ba batlela ditiro le go ba tlhatlhelela ka dithuso tse di bonagalang.
Ka ngwaga wa 2017, Mankenkeza o ne a ithaopa go tlogela tiro gore a tle a kgone go tobana le kgwebo eno. Gompieno kgwebo ya Wheels of Change e abelana ka mefutafuta e e farologaneng e mentsi ya ditirelo mme yona e tsenyeletsa go tlha-
tlhelela batho ka kitso ya go tlhama dikgwebo, temothuo, go apaya le go fepa batho mo meletlong le kwa mafelong a borobasogo, go roka mmogo le sekolo sa go ruta batho ba ba tshelang ka bogolofadi go kganna dijanaga tse ba di agetsweng.
Go tlhatlhelela baagi ka kitso ya go tlhama dikgwebo go tla tlhatlhelela baagi ka bokgoni jo bo botlhokwa jo ba bo tlhokang mo go tsamaiseng dikgwebo. “Re na le dirutwa tsa go tlhatlhelela batho ka kitso ya temothuo mme mo go tsona re simolotse ka go ba tlha-
tlhelela ka kitso ya go lema.
Jaanong re ntse re godisa serutwa seno go tsenyeletsa gape le tsa go tlhatlhelela baagi ka kitso ya go rua 'kgomo.”
Mokgatlho ono o direla mo polaseng ya bogolo jwa disekweremitara di le 3 000 e mo go yona karolo nngwe ya lefelo leno go lengwetsweng mo dintlwaneng tsa go lemela fa e nngwe yona go lengwetswe mo tshimong e e bulegileng.
Tikwatikwe eno gape e reboletswe tetla ya go ka katisa batho go roka mmogo le go tlamela ka ditirelo tsa go baka le tsa go apaya dijo tse di jewang letsatsi le lengwe le le lengwe.
Tirelo e lefelo leno le tumileng ka yona ke sekolo sa go ruta batho go kganna, se se butsweng dingwaga di le tlhano tse di fetileng seo bogolosegolo se rutang batho ba ba tshelang ka bogolofadi go kganna dijanaga. Kgwebo eno e tlhotlheleditswe ke maitemogelo a Mankenkeza a itemogetseng ona mme o ne a thusiwa ke Khomišene ya Dilotho ya Naga, mme yona e ne ya mo abela sejanaga se se nang le didirisiwa tse di feletseng tsa go kganna ke batho ba ba tshelang ka bogolofadi. “Re latelela mongwe le mongwe ko a nnang gone mo porofenseng ya Gauteng go ba ruta go kganna,” o tlhalositse jalo a le motlotlo.
Ditiro tse kgwebo eno e di tlhodileng
Setlamo sa WoC se thapile batho ba le 38, mme ba le 31 ba duelelwa merokotso e e seng kalo ke Setheo sa Letlole la go Kgaolwa kwa Tirong (UIF). Setheo sa Merero ya Tlhabololo ka fa Nageng (NDA) se nnile le karolo e e botlhokwa thata mo go tlameleng kgwebo eno ka matlole mmogo le mo go e thuseng go atoloseng ditlhagiso tsa yona.
“Matlole a NDA a re thusitse gore re kgone go tsenya tirisong matsholo a a jaaka Matsholo a go Lema mmogo le Matsholo a go Ithaopa, mme bobedi jwa ona maitlhomo a ona ke go dira bonnete jwa gore re thibe tlala mmogo le go tlhola ditiro ka fa nageng .”
Kwa tshimologong NDA e ne ya ntsha matlole a le kanaka R212 000 go dirisediwa go tlhokomela badiredi ba le 18 ba ba ithaopileng.
Ka ntlha ya gore tiro eo e atlege, matlole a mangwe a a kana ka R310 800 a ne a ntshiwa mo ngwageng wa 2023 ka Letsholo la Maditshegetso a go Tlhola Ditiro la Moporesitente. Seno se raya gore matlole otlhe a NDA e thusaneng ka ona ke a kanaka R522 800.
Thuso e nngwe e ba e boneng ke e e tswang kwa Lefapheng la Tlhabololo ya Loago (DSD), Lefapheng la Tlhabololo ya Metseselegae le Temothuo la Porofense ya Gauteng (GDARD), mmogo le e e tswang kwa Masepaleng wa Teropo ya Ekurhuleni (CoE), mme bano ba thusane ka go abelana ka didirisiwa tsa go lema, menontsha mmogo le go ba tlhatlhelela ka bokgoni.
Mo kgweding eno ya go keteka ditiro tsa ga Mandela, kgwebo eno ya WoC e tla tsepamisa mogopolo wa yona mo matsholong a a totileng mafelo a dikgwebo go ba bula matlho.
“Mo nakong e e fetileng re ne re tle re etele mekgatlho e e thusang setšhaba ka go e pentela kgotsa go e lemela ditshingwana ka Letsatsi la go Keteka Ditiro tsa ga Mandela.
Mme jaanong re simolotse go bula mafelo a tirelo matlho gore a nne le mafelo a batho botlhe ba kgonang go a dirisa ka botlalo go sa kgathalesege seemo sa bona.
“Re dira seno ka go etela ditlamo, go tshameka le badiredi ba tsona metshameko– ‘go tshameka le bona metshameko ya go tshwana le ya go dira gore ba dirise setiloteti letsatsi lotlhe’. Re dira gore ba kganne ditiloteti tseno gotlhe mo moagong o ba direlang mo go ona gore ba tle ba kgone go bona le go tlhaloganya sentle gore moago wa bona o boima go le kanakang gore motho yo a leng mo setiloteting a ka kgona go o tsena a o tswe.”
Setlamo sa WoC ga se samagane fela le go katisa batho mmogo le go ba bula matlho. Se dirisana le baagi ka go dirisa matsholo a a jaaka la “Challenge the Challenged” e leng matsholo a mabelo, a metshameko, a pabalesego mo mebileng le a go apara diaparo tsa fa gae.
Matsholo ano ga a thuse fela ka go bula baagi matlho, mme gape a thusa le ka go ngokela bao ba batlang go koleka mmogo le go godisa kemonokeng ya setšhaba mo go direng gore matsholo ano a se phutlhame.
Kgwedi ya go Keteka Ditiro tsa Mandela e botlhokwa thata mo go Mankenkeza. “Mo go rona ba bangwe Letsatsi la go Keteka Ditiro tsa ga Mandela ga se fela letsatsi la go direla setšhaba; ke segakolodi sa gore go se tswalele ba bangwe kwa ntle mmogo le go tsosolosa seriti sa bona ke selo se se tlhokang go tseelwa dikgato letsatsi le lengwe le le lengwe. Maikarabelo a rona ke go tsosolosa seriti seo, go bula ditsela, mmogo le go gakolola motho yo mongwe le yo mongwe yo a tshelang ka bogolofadi mmogo le yo a senang tiro gore le bona ba tshwana fela le batho ba bangwe mme ikonomi eno le bona ga e ba rone.”
A o ne o itse?
Letsatsi la ga Mandela le ketekiwa ngwaga yo mongwe le yo mongwe ka la bo
18 Phukwi, maitlhomo e le go tlotlomatsa lefa le Moporesitente wa maloba, yo a sa tlholeng a le teng mo botshelong, a re sietseng lona, mme le ketekiwa ka go rotloetsa setšhaba go dirisa metsotso e le 67 ka letsatsi leo go dira sengwe se se mosola mo setšhabeng.
Go bona tshedimosetso ka botlalo ka ga WoC, etela webesaete ya www.wheelsofchange.co.za
O ka ikgolaganya le NDA ka go etela webesaete ya www.nda.org.za