Phatwe 2025 Kgatiso 1

Go thibela bolwetse jwa go ruruga sebete

Naga ya Aforika Borwa e eme le dinaga tse dingwe mo go lemoseng ditšhaba tsa bona ka bolwetse jwa go ruruga sebete, e leng bolwetse jo batho ba ka kgonang go ka bo thibela e bile bogale jwa bona bo kgona go okobadiwa mme ka ntlha ya go tlhoka kitso bolwetse jono bo tsweletse go nanabela batho ka go dira gore ba se tlhole ba kgona go tsamaya e bile gape mo lefatsheng bo feta ka matshelo a batho ba le bantsi. 

Go thibela bolwetse jwa go ruruga sebete

Bolwetse jwa go ruruga sebete go le gantsi bo tlhodiwa ke mogare yo o lwatsang sebete gore se ruruge. Fa go buiwa ka mogare yo o rurugisang sebete go a bo go rewa gore go mogare yo o rileng yo o dirang gore sebete sa motho se ruruge (se susumoge kgotsa bogolo jwa sona bo se tlhole bo lekana le jwa mo metlheng).

Letsatsi la Segopotso sa Bolwetse jwa go Ruruga Sebete le ketekiwa ngwaga o mongwe le o mongwe ka la bo 28 Phukwi go ruta setšhaba ka bolwetse jono.

Mogare wa go ruruga sebete o tlhola malwetse a le mantsi, segolo bolwetse jwa go ruruga sebete jo bo sa alafegeng jwa maemo a B mmogo le jwa maemo a C. 

Batho ba ba nang le malwetse a mangwe a a jaaka HIV ba mo kotsing e e kwa godimo gonne ba setse ba ntse ba na le tshwaetso ya megare e mebedi e leng se se dirang gore go nne le kgonagalo ya gore bolwetse jwa sebete bo gakale.

Go na le megare e le metlhano ya bolwetse jwa go ruruga sebete, mme yona e farologanngwa ka ditlhaka A, B, C, D le E, mme megare eno e fetelana ka ditsela tse di farologaneng mme mogare wa A le E e fetelana ka go ja dijo tse di tshwaetsegileng kgotsa go nwa metsi a a tshwaetsegileng, wa B o fetelana ka go tsenwa ke madi kgotsa diedi tsa mmele wa motho yo a nang le bolwetse jono, wa C o fetelana ka madi fela, fa madi a yo a tshwaetsegileng a kopana le a yo a sa tshwaetsegang, mme wa D ona ke fa motho a ka tsenwa ke madi a motho yo a tshwaetsegileng.

Ditsela di pedi tsa go thibela go tshwaediwa ke bolwetse jono e leng ya go dirisa melemo le ya go itlhokomela mme o sa dirise melemo go tshwana le:

go tlhabela ente

  • go itshireletsa fa le tsena mo thobalanong

  • go nna seithati, go se itlhabe le batho ba bangwe ka lemao la kalafi le le lengwe 

  • go se tlhape le batho ba bangwe ka sedirisiwa sa go tlhapa meno se le sengwe mmogo le go se pome le batho ba bangwe ka legare le le lengwe

  • go se nwe metsi a a tswang mo metsweding ya metsi e go itsegeng gore e kotsi mme e bile gape go apaya dijo go ka go thusa thata mo go thibeleng go tshwaediwa ke bolwetse jono.

Mogare wa bolwetse jwa go ruruga sebete gantsi ke bolwetse jo matshwao a teng a sa iponagatseng. Ka bolwetse jo bo sa iponagatseng go raya gore mo mothong yo a nang le bolwetse jono a ka nna le jona mme a sa ikutlwe a lwala e bile a sa bonagale gore o a lwala. Mme le fa go le jalo, lefoko 'matshwao' le raya gore mo mothong yoo matshwao a bolwetse ona a teng.

Fa motho a na le matshwao kgotsa go na le matshwao a a iponagatsang a bolwetse jono, motho yoo o tla iponagatsa ka matshwao a a latelang:

  • Go fisa mo mmeleng, go ikutlwa o le bokowa, go se nne le takatso ya dijo, go nna le letshololo, go feroga dibete, go sokolotwa ke mala, moroto yo mmala wa ona o ithitetseng le go setlhefala letlalo (go nna le letlalo la mmala yo mo setlhana le matlho a sweufetseng go feta tekano).

  • Ka dinako tse dingwe mogare ono o ka bakela batho bolwetse jwa sebete jo bo sa foleng kgotsa bolwetse jwa kankere ya sebete, mme seno se dira gore balwetse ba nne mo kotsing e e kwa godimo ya gore bolwetse jono bo fete ka matshelo a bona, ntle le fa e le gore ba ka bona thuso ya go okobatsa bolwetse bolwetse jono.

Batho botlhe, segolo jang ba ba itemogelang letshwao le lengwe le le lengwe la matshwao a bolwetse jwa go ruruga sebete, go ikuelwa mo go bona go ya go itekola le go ya go tlhatlhoba kwa ditleliniking tse di gaufi le bona gore fa e le gore ba na le bolwetse jono bo kgonwe go ribololwa le go alafiwa nako e santse e le teng go ya ka gore ke mofuta mang wa bolwetse jwa go ruruga sebete yo o ba tshwereng 

Batho ba go nang le kgonagalo e ntsi ya gore matshelo a bona a ka nna mo kotsing e e kwa godimo fa go ka diragala gore ba tshwaediwe ke bolwetse jwa go ruruga sebete jwa mofuta wa B le kgotsa mofuta wa C ba tlhoka go tlhabelwa moento, mme bona ba tsenyeletsa gape le masea a e leng gona a belegwa mmogo le bana ba ba iseng ba tle ba tlhabele moento mmogo le bao ba setseng ba godilenyana. 

Batho ba bangwe gape ba matshelo a bona a leng mo kotsing ke bao ba sa robalaneng le motho a le mongwe, bao ba itlhabang ka lemao la diritibatsi le le lengwe le batho ba bangwe mmogo le bao ba nang le mogare wa lebolelateng le bao ba nang le malwetse a a fetelanang ka thobalano.

Tshedimosetso eno o e tlisediwa ke ba Lefapha la Boitekanelo.

Health
Share this page