Phatwe 2025 Kgatiso 1

Lerato la tatso ya dijo tse batho ba phelang ka tsona le feleditse le mo dirile gore a tshimololele kgwebo

Written by Sihle Manda

Ka ntlha ya go rata go somarela le tatso ya dijo tse batho ba phelang ka tsona, Oumies Grandé ke leina le le golelang ka bonako le le tshwanang le le esi mo intasetering ya dikgwebo tsa temothuo ka fa nageng ya Aforika Borwa. 

Kwa tlhogong ya kgwebo e e dirang bontle eno ke Muofhe Eullenda Ratshikombo, moagi wa kwa Johannesburg, ke ene mong wa kgwebo e bile gape ke motsamaisi wa Oumies Grandé.

Mong wa kgwebo ya Oumie's Grandé ke Muofhe Ratshikombo.

"Rona re kgwebo e e dirang mo intasetering ya lephata la temothuo mme re apaya dijo tsa go itatswa menwana tse batho ba phelang ka tsona, re bo re di rekisa," Ratshikombo o tlhalositse jalo. 

Se se mo tlhotlheleditseng gore a simolole kgwebo eno ke fa a ne a le mo letsholong la go ithutela tiro mo mererong ya temothuo fa a ne a direla Setlamo sa Bojalwa sa Naga ya Aforika Borwa. 

Se se mo tlhotlheleditseng gore a feletse a butse Oumies Grandé e ne e le bothata jwa dijo tse di latlhiwang. 

“Ke ne ka bona tšhono e kgolo ya go fetola maungo le merogo go tswa kwa balemiruing ba ka fa nageng go dira gore e nne dijo tsa go itatswa menwana tsa maemo a a kwa godimo.”

“Ka go dira gore dijo tseno di se tlhole di senyega ka bonako, ga re thuse fela gore dijo di se tlhole di itshenyegela fela, mme gape re dira gore tatso e batho ba tlwaetseng go phela ka yona e se nyelele.”

Ratshikombo o kwadisitse semmuso kgwebo ya gagwe ka Phatwe ka ngwaga wa 2021mme a simolola go dira. Ka ngwaga wa 2022 o ne a emisa ka gotlhe go batlana le tiro mme a boela kwa porofenseng ya kwa gaago kwa Limpopo gore a ye go samagana le go aga kwebo eno. 

“Dilo tsotlhe di ne tsa tsamaya sentle... mme go tlogeng foo, sengwe le sengwe sa ipaakanya,” o bua ka seo a se gakologelwang.

E nngwe ya dikgwetlho tse dikgolo tse a kopaneng le tsona kwa tshimologong e ne e le tlamelo ya matlole. 

“Babeeletsi ba ne ba ngamela dipotlana. Ka jalo, ke ne ka tsenela matsholo a go thusa go godisa dikgwebo a a jaaka la LEAP Africa, mme lona le ne la nthusa go tla ka mogopolo wa maemo a a kwa godimo go fetola megopolo ya bona.” 

Morago ga foo o ne a iponela thuso ya matlole go tswa kwa Setheong sa Naga sa Thuso ya Bašwa (NYDA) mmogo le go tswa kwa Setheong sa go Tlhoma Ditirelo tsa Matlole a go Thusa Dikgwebopotlana (SEDFA) mme dithuso tseno di ne tsa mo tswela molemo gore a kgone go bula feme eno, mme tse dingwe tsa ditiro tsa kgwebo tseno di kgona go ituelela ka botsona.

Ga jaanong kgwebo ya Oumies Grandé e thapile batho ba le barataro mo diphatlhatirong tsa letsatsi le lengwe le le lengwe mmogo le diphatlhatiro tse dingwe di le 14 tsa nakwana. 

Ratshikombo o dira bonnete jwa gore ditlhagisiwa tsa gagwe di nne mo maemong a a kwa godimo a boleng ka go dira bonnete jwa gore o nna le seabe se segolo.

“Ka bonna ke tswa letsholo gore ke reke maungo le merogo ya tlhago e e nang le dikotla mo balemiruing ba ka fa nageng.” 

Se sengwe sa sejo sa bona se se ratiwang thata, e leng Atšha ya Oumie Grandé, ga e tshwane le tse dingwe mo dijong tse batho ba phelang ka tsona. “Atšha ya rona e diriwa ka matsogo, re dirisa motswako wa go e apaya o o tswang ka fa lapeng le ke goletseng mo go lona o o nang le tatso e e humileng. 

Oumie's Grandé

Kgwebo ya Oumie Grande e kgabaganya melelwane

Ka kgwedi ya Moranang, Ratshikombo o ne a nna le seabe mo go Zimbabwe International Trade Fair ya ngwagwa wa 2025 e e neng e tshwaretswe kwa Bulawayo. 

Leeto leno le dueletswe ke Masepala wa Gwanda kwa nageng ya Zimbabwe mmogo le Masepala wa Makhado mo nageng ya Aforika Borwa. 

Mebasepala ka bobedi e saenile tumelano ya tirisanommogo ya diteropokgolo tse pedi mme yona e tshegofaditswe ka Memorantamo wa Tirisanommogo ya Dinaga ka Bobedi (MoU) o o saenilweng o o tshegetsang Letsholo la go Atisa Dikgwebo tse di Itlhophileng go Tloga kwa Porofenseng ya Limpopo go Kgabaganya Molelwane go Tsena kwa Victoria Falls (TLSDI).

Tumelano ya tirisanommogo ya diteropokgolo tse pedi ke tumelano e e leng mo molaong eo dimasepala, diteropokgolo kgotsa dikgaolo di ka e tsenelang—gantsi e magare ga mafelo a dinaga tse di farologaneng—mme yona ke tumelano e e ka ga go dirisana mmogo fa go tla mo go tlhabaneng botlhale, go abelaneng kitso le tshedimosetso, go thusaneng ka ditlamelwana le ka kitso e e gaisang e e ka dirisiwang. Gantsi maitlhomo ke go rotloetsa go thusana gore dinaga ka bobedi di kgone go gola mmogo, go abelana ka thuso, go thusana go godisa maemo a ikonomi a dinaga ka bobedi, mmogo gape le ka go thusana ka diporojeke ka dinako tse dingwe.

Fa e sale e tlhomiwa ka ngwaga wa 1998, maitlhomo a TLSDI ke go godisa metswedi ya dikgwebo e e tla thusang go godisa dithoto le mafaratlhatlha a go gwebisana mo kgaolong e e magare ga porofense ya Limpopo le kgaolo ya Matabeleland.

Tirisanommogo eno e botlhokwa thata mo mererong ya Dinaga tse di Dirisanang Mmogo tse di kwa  Borwa jwa Aforika (SADC), gonne e bontsha ka fao mebuso ya mebasepala ka fa nageng e ka kgonang ka teng go gagamatsa tirisanommogo le kgodiso ya ikonomi magareng ga dinaga tsa kgaolo. 

Ka go godisa tirisanommogo e e kgabaganyang melelwane, letsholo leno le le magareng ga Gwanda-Makhado le ema nokeng dintlha tse di botlhokwa thata mo go SADC, tse di jaaka kgwebisanommogo magareng ga dinaga tsa kgaolo mmogo le tlhabololo e e tsepameng.

Jaaka re bona fa Kopano ya Baeteledipele ba G20 e ntse e atumela—e e rulaganyeditsweng go tshwarelwa kwa Johannesburg, mo nageng ya Aforika Borwa, go tloga ka la bo 22 go fitlha ka la bo 23 Ngwanaitseele 2025, e leng kopano ya ntlha ya G20 e e tla bong e tshwaretswe mo kontinenteng ya Aforika—o mongwe wa melaetsa e megolo ke kgolo e e tshwaraganetsweng le tirisano-
mmogo magareng ga dinaga tsa lefatshe.

Letsholo la go Atisa Dikgwebo tse di Itlhophileng go Tloga kwa Porofenseng ya Limpopo go Kgabaganya Molelwane go Tsena kwa Victoria Falls (TLSDI) le re naya motlhala o o tlhamaletseng o o ka ga ka fao dikgaolo di ka dirang go itlhamela ditsela tsa go dirisanammogo, le re bontsha ka fao mebuso ya mebasepala ya ka fa nageng e ka se dirang mo go phethagatseng dipeelo tsa go tlisa kgolo mo lefatsheng mmogo le go gagamatsa seo G20 e se gatelelang e leng go golaganya tirisanommogo magareng ga naga le lefatshe ka bophara.

“Re itebogela go menagane mo go ba Masepala wa Gwanda le ba Masepala wa Selegae wa Makhado jaaka ba re neile tšhono e e bogolo jo bo seng kanaka sepe ya gore le rona re nne le seabe mo go Zimbabwe International Trade Fair ya ngwagwa wa 2025 kwa Bulawayo… Re a leboga jaaka le re neile ditšhono tsa gore le rona dikgwebo tsa rona re kgone go di godisa le kwa ntle ga melelwane,’’ Ratshikombo o tlhalositse jalo.

Fa a lebelela kwa pele, Ratshikombo o ipona a setse a godisitse Oumies Grandé mme e le kgwebo e e tumileng mo lefatsheng fa go tla mo intasetering ya dikgwebo tsa temothuo. “Ke batla go godisa lenaneo la dijo tse re di dirang mmogo le go rekisetsa dinaga tsa boditšhabatšhaba. Maitlhomomagolo a kgwebo ya rona ke go fokotsa tshenyego ya dijo mme re tla tswelela go rekela dikgwebo tsa balemirui tse di ka fa nageng, ke seo re tla phelang, re se dira ka metlha,” o garetse ka go rialo.

Go bona tshedimosetso ka botlalo ka ga Oumies Grandé etela 
Letlakala la Facebook: Oumie’s Grande, letsetsa 079 687 3248 kgotsa  romela imeile mo go Oumiesgrande@gmail.com 

Go bona tshedimosetso ka botlalo ka ga NYDA etela webesaete ya www.nyda.gov.za 

O ka ikgolaganya le ba SEDFA ka go etela webesaete ya www.sedfa.org.za 

O ka ikgolaganya le ba LEAP Africa ka go etela webesaete ya: www.leapafrica.org/lap/  
 

General
Share this page