Phatwe 2025 Kgatiso 1

Moporesitente Ramaphosa o tlhomile dipatlisiso mabapi le ditatofatso tsa gore botlhokotsebe bo itirela boithatelo ka ditheo tsa molao

Written by The Presidency: Republic of South Africa

Moporesitente Cyril Ramaphosa o tlhao-lsitse gore khomišene ya go dira dipatlisiso ka magatwegatwe a go gatakaka molao e tla rulaganngwa jang mme e tla tsepamisa mogopolo mo go direng dipatlisiso mabapi le “ditatofatso tse di tsamaisanang le botlhokotsebe jo bo itirelang boithatelo ka ditheo tsa sepodisi, tsa molao le ditheo tsa mothale ono tse di leng mo lephateng la go lwantshana le botlhokotsebe.”

Moporesitente Cyril Ramaphosa fa a ne a eme maAforika Borwa ka lefoko mabapi le ditatofatso tse di tsitsibanyang mmele tse mo malobeng di dirilweng ke Tlhogo ya Mapodisi a Porofense ya KwaZulu-Natal e bong Rre Nhlanhla Mkhwanazi.

Monnasetilo wa khomišene eno e tlile go nna Motlatsamoatlhodimogolo wa Kgotlatshekelo ya Molaotheo Mbuyiseli Madlanga.

Moporesitente o dirile tsiboso eno fa a ne a eme setšhaba ka lefoko mo maitseboeng a Latshipi wa la bo 13 Phukwi 2025.

Gore go tlhomiwe khomišene eno ke ka ntlha ya ditatofatso tse di tsitsibanyang mmele tse di dirilweng ke Lepodisi le Legolo la Porofense ya KwaZulu-Natal e bong Nhlanhla Mkhwanazi.

“Gare ga ditatofatso tse di dirilweng tseo khomišene e tshwanetseng go dira dipatlisiso mo go tsona ke tsa go letla ditiragalo tsa botlhokotsebe jo bo diriwang ka mokgwa wa go timetsa motlhala go itirela boithatelo; go gogelwa ga ditlhogo tsa ditheo tsa molao mo ditiragalong tsa botlhokotsebe; ditiragalo dingwe le dingwe tse di dirilweng tsa botlhokotsebe le tsa go tshosetsa batho, go ba bogisa kgotsa go jesa tiro bao ba phunyang khupamarama kgotsa batlhankedi bao ba sa batleng go ikgolaganya le ditiragalo tsa botlhokotsebe.

“Khomišene eno e tla batlisisa seabe se ditlhogo tsa ga jaanong le tsa mo molobeng tsa ditheo tse di rileng ba nnileng le sona mo ba ka tswang ba sukumeditse kgotsa ba itlhokomolositse ditiragalo tsa botlhokotsebe mo ditheong tseno; ba ka tswang ba itlhokomolositse go ka tsaya dikgato le fa ba ne ba neelwa tshedimosetso e e nang le bopaki jo bo feletseng kgotsa le fa ba ne ba lemosiwa dikotsi tse di tla nnang teng fa ba tlogela ditiragalo tseno go itirela boithatelo; kgotsa fa e le gore go na le ka mokgwa o ba neng ba bona molemo wa go letlelela ditiragalo tseno go tswelela e ka tswa e le molemo ka mokgwa wa madi kgotsa wa sepolotiki.

“Ditheo tse go buiwang ka tsona tseno ke Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa (SAPS), Setheo sa Bosekisi jwa Naga, Setho sa Phemelo ya Puso (SSA), Ditheo tsa Dikgotlatshekelo, mmogo le ditheo tsa sepodisi sa diteropokgolo tsa dimasepala tsa Johannesburg, Ekurhuleni le Tshwane,” Moporesitente Rama-
phosa o tlhalositse jalo.

Mo godimo ga seno, khomišene eno e tla dira dipatlisiso gape le mo go lekeng go utolola bopaki jwa gore a go ope fela wa Batlhankedi ba Khuduthamaga mo pusong “ba ba okameng maemo a setheo sepe fela sa twantsho ya bosenyi ba ba amegang mo go gogeng maoto e leng seo se dirileng gore botlhokotsebe bo goletse marukhu kwa tlase, ba ba amegang mo go sukumetseng kgotsa go itlhokomoloseng ditiragalo tseno, kgotsa ba ba nnileng le seabe mo ditiragalong tse di umakilweng mo dipolelwaneng tsa fa godimo”.

Moporesitente Ramaphosa o laotse gore Tona ya Sepodisi, Senzo Mchunu, a tsaye nakonyana a emise ka tiro ya gagwe mme mo ditlhakong tsa gagwe o tlhophile Moporofesara Firoz Cachalia go nna namaotshwere ya Tona ya Sepodisi go fitlha go garelwa ka dipatlisiso tse di boloditsweng.

Moporofesara Cachalia go solofetswe gore o tla tsena mo ditlhakong tsa Tona e ntšhwa ka la bo 01 Phatwe 2025.

“Khomišene eno e tlile go kopiwa gape le gore e ntshe maikutlo a yona ka ga dithulaganyo tsa go disa maemo tse di leng teng mo ditheong tseno gore di dira ka tshwanelo kgotsa ga di dire, mmogo le go latlhela tlhware logong mabapi le gore melao, dipholisi mmogo le thulaganyo ya ditheo tseno mo go thibeleng go gogwa ka nko ke ditiragalo tsa bosenyi e dira ka tshwanelo kgotsa e a retelelwa. E tla neelwa dithata tsa gore e ka rebola dikatlholo kgotsa ditshitshinyo tsa go isa dikgetse tse di tla tlhagelelang kwa kgotlatshekelo, dikgato tsa go kgalema badiri le tsa gore ditheo tse di amegang ke eng se se ka diriwang go di baakanya foo di senyegileng.

Khomišene eno e tla rebola dipegelo tse di khutshwane morago ga sebaka sa dikgwedi di le tharo go ya go di le thataro.

“Khomišene eno e tla neelwa dithata tsa go ka tlhatlhela kgetse ka gangwe gore go diriwe dipatlisiso mmogo le go gwetlha setheo sa basekisi go tsaya ditshwetso ka bonako gore ba tla sekisa ba ba amegang kgotsa ba ka se basekise, mme seno se tla ya ka gore ditatofatso tse di dirilweng ke tsa mothale ofe mmogo le go ya ka bopaki le mofuta wa seo se ribolotsweng ke khomišene.

“Go botlhokwa thata gore dikgang tsa mothale ono go samaganwe le tsona ka bonako le ka go di tlhoma leitlho le le ntšhotšho.

“Go solofetswe gore khomišene fa e sena go garela tiro ya yona e rebole pegelo ya bofelo e e tla e neelang Moporesitente. Pegelo eno ya bofelo e tla romelwa gape le kwa Tlhogong ya Kokoanotheomolao ya Bosetšhaba mmogo le kwa go Moatlhodimogolo wa Kgotlatshekelo ya Molaotheo,” o garetse jalo.

Safety and Security
Share this page